KA MAKOPO LAW OFFICE

Motlamedi Makopo

Makopo Law Office e tlhamilwe ka ngwaga wa 2012 ke Rre Motlamedi Makopo yo eleng mmueledi mo makgotleng otlhe a matona a ditsheko mo Botswana. Rre Makopo o alogile ko Mmadikolo ka ngwaga wa 2007, October mo dithutong tsa digarata tsa molao mme ya re ka September 2009 a tsenelela ithutuntsho ee haphegileng ya bomankge ya go tsamaisa ditsheko mo makgotleng leba National Institute of Trial Advocacy. Go fetseng dithuto tsa gagwe tsa molao, Rre Makopo ga ise a dire sepe ko ntle gago buelela batho mo makgotleng lego ba thusa ka tsedi amegang tsa molao. Mme o dirile jalo pele kafa tlase ga babueledi ba bagolwane mo go ene ba ba farologaneng bale babedi pele fa a tlhama Makopo Law Office ka bonosi ka 2012 go fitlha ka se sebaka. Rre Makopo ke rre wa lelwapa. Polelo ya gagwe kaga tsela ya gagwe le mosepele oo mo gorositseng mo tirong ya bobueledi ee sobokilweng efa tlase.

POLELO KA RRE MAKOPO

Le ntswa ene a sa lemoge se ka nako ya fa go diragala, go tsweng mo sebopelong sa ga mmaagwe; mo kgolong ya gagwe, motho o feta ka ditirafalo di le mmalwa tse di rokotsang tlhaloganyo ya gagwe go felela a tlhopa se a batlang gonna sone mo bokamosong jwa gagwe. Go bokete go lebelela ko moragorago go supa ke papametse selo sele sengwe fela se ke ka kayang eleng sone se nkgogetseng mo tirong e ya bobueledi. Mme fa ke tsentse leitlho, dilo dile tharo dia senoga. Dilo tse ke (1)Kgodiso Yame; (2) Buka e ke e badileng kele mosimanyana; (3) Lerato lame la Bodiragatsi.

Kgodiso Yame

Mmogo le bana ba bangwe mo lelwapeng, ke godisitswe ke Nkuku le Mme , ba botlhe eneng ele barutabana. Ke goletse mo motsaneng wa Seolwane, mo kgaolong ya Tswapong-bokone. Ke gone ko ke butseng matlho pele ke ya go feleletsa dingwaga tsa bofelo tsa sekolo se se potlana le go tsena tse di kgolwane ko motseng wa diteemane wa Letlhakane mo kgaolong ya Boteti. Gonna ngwana wa morutabana go ne ga dira gore ke tsee gore ke tshwanetse ka nna sekai mo maitsholong ame lemo tirong yame ya sekolo gore ke seka ka tlhabisa batsadi bame ditlhong. Ke godisitswe ka kitso ya gore motho ga a itebelele a le nosi ebile ga a tshwanela go ja a tima ba bangwe, o tshwanetse a utlwela ba bangwe botlhoko. Tlhaloso ya ina lame ebong "Motlamedi" ke gore "yoo bonang gore ga go senyege". Motlamedi motlamela batho! Maikaelelo magolo a Makopo Law Office ke go tlamela batho.

Buka e ke e badileng kele Mosimanyana

Golo gongwe mo dingwageng tsa bo 1998 fa ke dira lekwalo la bobedi mo sekolong same sa Motsumi CJSS kwa Letlhakane, ke ne ka kopana le buka mo motlobong wa dibuka. Buka e e bidiwa "Birds of Kamiti". Buka e ene ele polelo ya mokwadi wa yone, yoo neng a kaya fa a kile a tshwarwa ka molato oo neng asa o dira wa go bolaya motho mme a atlholelwa leso. Mokwadi o ne a kaya fa seemo sa tsamaiso ya tsheko ya gagwe le badiragatsi ba molao le makgotla bane ba mo logela segwenegwene go nefetatsa gore o wela ka lemena mo molatong oo neng asa o dira. Selo sese neng sa nkgapa maikutlo lego fetla ke gore mokwadi one a felela a ingapangapela go felela a menola katlholo ya gagwe morago ga tshokolo fa a santse a emetse go kalediwa. Le fa ntswa ditiragalo tsa buka e ele tsedi diragetseng kwa lefatsheng la Kenya, buka e ene ya aga mo pelong yame. Buka e, e ntshupegeditse ke sale mmotlana gore mo lefatsheng gona le molao oo siameng ka tlhago mme selabe setla ka motsaa kgamelo. Ka yone tsela e, kene ka iphitlhela kesa kgone go ikapola mogopolo wa gore golo gongwe mo isagong ke ka bereka mo molaong mme ka maikaelelo a go thusa ope fela wa seemo sa go tshwana le mokwadi wa buka e.

Lerato lame la Bodiragatsi

Fa ke sale ngwana wa sekolo, ke ne ke rata thata go inaakanya letsa bodiratsi jaaka mmino wa Setswana, kopelo le metshameko ya dikeche. Kene ke rata thata go dira dikeche. Kele pinagare ya metshameko; sesana sese neng go gamolelwa mala mo go sone, moanelwa mogolo, matlho otlhe a lebile nna! Go tlhopa goya go dira dithuto tsa molao kwa Mmadikolo morago ga go wetsa lekwalo lame la botlhano kwa Letlhakane Senior Secondary School ka 2001, ene ele go isa phuduhudu bosarwa ka gore tiro ya bobueledi le yone ke bodiragatsi jo bo neng bo setse bo agile mo go nna gotswa bonnyenyaneng.

Setswana