Rea go amogela mo 
Makopo Law Office

Ditirelo tsa Babueledi ba ba tshwanang fela le Wena

Tumelo le tshepo ya gore letsatsi letlaa tsoga le tlhaba gape, ke pinagare ya botshelo. Fa o rwala ditlhako gotla mo Makopo Law Office, gao batle sepe fela ko ntle ga gore letsatsi le phatsimele kgang epe fela ya semolao ee ka tswang e go tlhora boroko. Se, re a se boifa ebile re se tsaya ka tlhwaafalo ee kwa godimo!

DITIRELO

Ditirelo tsa rona tsa bobueledi di mmalwa, mme re remeletse thata mo go tse di latelang

Re Emela Mohiri

Makgotla a ditsheko tsa pereko a tletse ebile a penologa ka dingongorego tsa babereki. Gore dingongorego tse ke tsa boammaruri kana jang ke selo sese ka batlang gore o se lebisiwe ke badiredi ba dikgang tsa motlhale o, baba maleba. Ke gone fa Makopo Law Office a tsenang teng.

Tsa Malwapa le tsedi amang Ditlhalano

Dikgang tsa tlhalo di bokete bogolo thata mo matlhong a sedumedi le ngwao. Lefa gontse jalo, ga dia tshwanela go kgoreletsa go tswelela ga botshelo. Ka lesego, molao wa rona o ipaakanyeditse go amogela tlharabololo ya dikgang tsa motlhale o. Kopa thuso.

Re Latedisetsa ba Dikgwebo Dikoloto

Letseno ke mmammane mo kgwebong. Kgwebo ee kolotiwang madi e mo diphatseng tsa go tswalwa ka letlhaku fa seemo sesa tsibogelwe. Mo Makopo Law Office, re tlola re relela go sala morago ope yoo kolotang kgwebo ya gago madi. 

Tsa Ditsheko ka Gofarologana mo Makgotleng

Go ipuelela mo makgotleng a ditsheko goa letlelelwa. Mme jaaka re itse gore ditsheko fa gongwe dinna le matswakabele a tsone, ebile di kgona gonna ekete thapo tsa leselo, Makopo Law Office e ka go thusa go logolola leselo la ditsheko ka tsotlhe tsedi lebaneng mo molaong.

Tsa Theko le Kwadiso ya Lefatshe/ Bonno/ Dikago

Re tsenya tlhako mo mererong ya go thusa mo go tsa theko, thekiso, kwadiso ya ditsha, dikago, matlo a bonno le a dikgwebo jalojalo. 

Tsa Ditumalano

Ditumalano tsa metlhale ee farologaneng ke tsone di tsamaisang ka fa re amanang ka teng rele batho bogolo jang fa ditumalano di ama madi le dithoto. Re ipela ka go nna le seabe mo go netefatseng kamano e e eletsegang ya merero ya madi, dithoto le dipe fela tsedi amang ditshwanelo tsa batho mo go tswakanyeng matshelo a bone fa ba ikgaratlhela, jalo jalo.

Tsa Go Belaelwa Borukhutlhi

Ka go tlhoka lesego, ope fela o kgona go iphitlhela a latofaditswe ka melato epe fela ya borukutlhi. Se seka fetola botshelo jwa gago le ba lelwapa la gago fa re lebeletse katlholo jaaka ya kgolegelo kgotsa katlholelo leso. Mo Makopo Law Office re ikemiseditse go rwala mokgweleo wa mathata a gago mabapi le tsa go lebisiwa molato. Re lwa ka tsotlhe tsedi mo molaong gogo thusa go itebaganya lese.

Tiragatso ya Ditshwanelo tsa Babereki

Lefa ntswa bahiri bale botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe, go setse go itshupile makgetho ale mmalwa gore bahiri gase baengele. Mo Makopo Law Office re ipona thata re ema nokeng babereki fa ele gore bahiri ba ba rontsha ditshwanelo tsa bone jaaka di rebotswe mo melaong ya khiro.

KE KOPA THUSO

Bua le rona go bona gore reka thusa jang

KA MAKOPO LAW OFFICE

Makopo Law Office e tlhamilwe ka ngwaga wa 2012 ke Rre Motlamedi Makopo yo eleng mmueledi mo makgotleng otlhe a matona a ditsheko mo Botswana. Rre Makopo o alogile ko Mmadikolo ka ngwaga wa 2007, October mo dithutong tsa digarata tsa molao mme ya re ka September 2009 a tsenelela ithutuntsho ee haphegileng ya bomankge ya go tsamaisa ditsheko mo makgotleng leba National Institute of Trial Advocacy. Go fetseng dithuto tsa gagwe tsa molao, Rre Makopo ga ise a dire sepe ko ntle gago buelela batho mo makgotleng lego ba thusa ka tsedi amegang tsa molao. Mme o dirile jalo pele kafa tlase ga babueledi ba bagolwane mo go ene ba ba farologaneng bale babedi pele fa a tlhama Makopo Law Office ka bonosi ka 2012 go fitlha ka se sebaka.

TSWELELA O BALE
Setswana