DITIRELO 
RE EMELA MOHIRI

Tshoboko

Makgotla a ditsheko tsa pereko a tletse ebile a tshologa ka dingongorego tsa babereki. Gore dingongorego tse ke tsa boammaruri kana jang ke selo sese ka batlang gore o se lebisiwe ke badiredi ba dikgang tsa motlhale o, baba maleba. Ke gone fa Makopo Law Office e tsenang teng. Nnete ee sa jelweng pheko ke gore molao wa khiro ga oa kwalelwa fela go tsenya mohiri mo tseleng. Mohiri le ene ona le ditshwanelo tse molao o di mo neelang. Mo Makopo Law Office re lemoga botlhokwa jwa bahiri mo itsholelong ya lefatshe. Ka jalo re dumela thata fa makgotla a ditsheko tsa khiro a tshwanetse go ela tlhoko gore mohiri le ene gaa bewe kafa mosing fa go dirwa tshekatsheko ya dingongorego tsa babereki mo makgotleng.

Re ka thusa jang?

1. O ka re bitsa go okomela gore mekwalo le ditsamaiso tsa gago tsa babereki di eme jang gore ka moso o se iphetlhele o le mo mathateng; 2. O ka re bitsa go leka go tima molelo fa ele gore go setse go dubegile fa gare ga gago le mmereki.

OKOMELA DITIRELO TSE DINGWE

Setswana