Tshoboko
Lefa ntswa bahiri bale botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe, go setse go itsupile makgetho ale mmalwa gore bahiri gase baengele. Mo Makopo Law Office re ipona thata re ema nokeng babereki fa ele gore bahiri baba rontsha ditshwanelo tsa bone jaaka di rebotswe mo melaong ya khiro.
Re ka thusa jang?
- Fa ka go tlhoka lesego o kobiwa mo tirong, reka thusa go sekaseka gore a mme o kobilwe ka mabaka le tsela ee lolameng mo molaong.
- Gantsi re eletsa fa o ka re loma tsebe pele ga o belaela gore ga gosa tlhole ele gone sentle fa gare ga gago le mohiri . Se seka thusa gore gongwe re go tlhatlhelele fale le fale gore o kgone go nna mo maemong aa siameng ago araba kgotsa go itebaganya le seemo sese sa go emang sentle ko tirong.